Ketapele
Boswa ba naga ke karolo eo ya lemorago kana tikologo e e bopang tlhaolo ya bona. Bo akaretsa hisitori ya naga le mokgwa o e bolelwang ke beng ba yona, setso sa yona, botaki le dipuo, dijo tse beng ba di ratang, mmino o ba o dirang le tsela e meago ya teng e akanyeditsweng le go agiwa ka teng.
Mo Aforika Borwa motswako o o humileng wa mefuta e e farologaneng ya boswa o dira batho ba rona ba tlhophologile mo lefatsheng. Boswa ba rona bo re baya re kgaogane go tswa dithabeng tse dingwe mme bo re dumelela go ema motloutlo jaaka sethaba se se tlhophologileng ka mabela.
Ga go ope gape fa tlhaolo ya sethaba se se tshotsweng ka botlalo le go thadisiwa sentle go gaisa mo dikaing tsa bosethaba tse tharo tse bukana e, e leng ka ga tsona - Folaga ya Bosethaba, Pina ya Bosethaba le Sekano sa Bosethaba.
Ngwana mongwe le mongwe wa Aforika Borwa, bagolo, dikolo, laeborari, mothapiwa, mothapi, NGO, CBO le mafapha a mmuso a ka kgona go itse ka jalo, go tlhaloganya le go dira bukana e le diteng tsa yona ya bona ka boikgogomoso.
Tona ya Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji
Dikai tsa Bosethaba tsa rona ke dife
Dikai tsa bosethaba tsa rona ke tse e leng pono ya semmuso le matshwao a molomo tse di re supang jaaka sethaba. Dikai tsa bosethaba di tlhalosiwa go ya ka Molaotheo mme di diretswe go godisa poelano le kago ya sethaba. Mo molaotheong go tlhalosiwa gore Repaboleki ya Aforika Borwa ke naga ya boipuso ba temokerasi e e theetsweng mo botlhotlhweng bo bo latelang:
Seriti sa motho, phitlhelelo ya tekano le tsweletsopele ya ditshwanelo tsa botho le tokologo.
Go se nne teng ga bomorafe le bong.
Bogolo ba molaotheo le taolo ya molao.
Tshiamelo ya go bouta ya bagolo ya botlhe, lenaneina la batlhophi ba bosethaba la gale, tlhopho ya tlwaelo, le tsela ya ditlhophadintsi ya mmuso wa temokerasi go tlhomamisa maikarabelo, go ikarabela le kamogelo.
Botlhotlhwa bo bo thadisetswa tsa Aforika Borwa e leng:
Folaga ya Bosethaba e re e bonang jaaka e fofa mo phefong
Pina ya Bosethaba e re e utlwang e tshamekiwa ka metlha ya semmuso e e opelwang ke rona kwa dikolong le kwa ditiragalong tsa metshameko.
Sekano sa Bosethaba se re se bonang mo meagong ya mmuso, dikwalo, dikoloi, jljl
Dikai tsa Bosethaba tse dikgolo tse tharo tsa Aforika Borwa
Folaga ya Bosethaba
Folaga e ntha ya Repaboleki ya Aforika Borwa e ne ya tsenngwa mo tirisong ka di 27 Moranang 1994. E ne ya tsholediwa fela fa morago ga bosigogare jaaka sethaba se sea se ne se belegwa. Moakanyetso le mebala ya folaga ke thadiso ya mebala e megolo ya hisitori ya folaga ya Aforika Borwa , go tloga dinakong tsa pele go fitlha jaanong.
Bohubedu ba thilisi bohubedu/mmala wa namune, bosweu le botala ba loapi di tswa kwa morago kwa dinakong tsa pele tsa hisitori ya folaga ya Aforika Borwa fa botala ba tlhago, bontsho le gauta pele di tlhageletse mo difolageng tsa rona tsa bosethaba ka nako ya ngwagakgolo wa lesomerobonngwe. Mebala yotlhe e merataro e tlhageletse ka maatla mo difolageng tsa Aforika Borwa tsa fa gautshwane.
Malebana le bokao ba mebala, go tshwanetse ga gakologelwa gore mebala yosi e ka nna le bokao bo bo farologaneng ka bophara mo bathong ba ba farologaneng. Ka lebaka le, go se bokao bope bo le esi bo bo tshwanetseng go tshwaraganngwa le ofe kana ofe wa mebala. Motho ofe kana ofe o tshwanetse go ikutlwa a lokologile go nna le bokao ba gagwe ba se mebala e se emetseng. Ke se se sweditsweng fa taolo ya temokerasi e ne e buisanelwa ka 1994.
Moakanyetso o o mo gare wa folaga o o simololang ka "V" o be o kopana mmogo mo bogareng ba folaga, o tswelele go ya pejana jaaka mola o o tlhamaletseng go ya losing lwa kwa ntle la phofo, o ka kgona go bonwa jaaka o o emelang go kopana mmogo ga dielemente tse di farologaneng mo sethabeng sa Aforika Borwa, e jaanong e tsweletsang tsela go ya pele jaaka setlhopha. Kakanyo e gape e golagana le moono wa Sekano sa bosethaba se sea, e bong !ke e: /xarra /ke, mo puong ya batho ba /Xam San, e e kayang " batho ba mefutafuta ba a kopana". Moakanyetso o o itlhopholotse mo gare ga difolaga tsa lefatshe.
Molaotheo o tlhalosa Folaga ya Bosethaba jaana:
Folaga ya Bosethaba e tla nna khutlometsepa mo kabelong ya pedi mo bophareng go ya go tharo mo boleeleng go ya ka mothateletso go tswa setsholetsing, banta e e ka kwa godimo ya bohubedu ba thilisi le banta e e ka kwa tlase e tala, ka khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing, mo godimo ga mela ya karoganyo mothateletso wa botala ba tlhaga o leng nngwe tlhanong ya bophara ba folaga, e thadilwe bosweu kgatlhanong le bohubedu ba thilisi le botala; le gauta kgatlhanong le khutlotharo e ntsho kwa setsholetsing; le bophara ba mothateletso le methalo ya teng mo nngwe tharong ya bophara ba folaga".
Go na le melawana e le mmalwa ya botlhokwa go e latela fa o dirisa Folaga:
Folaga e tshwanetse go tsholwa ka tlotlo. Ga e a tshwanela go letlwa go gogwa mo fa fatshe kana go nna le sengwe se se tsamayang mo godimo ga yona.
Folaga e buisiwa jaaka buka - go tswa kwa godimo go ya kwa tlase le go tswa molemeng go ya mojeng. Ka jalo e tshwanetse go bontshiwa ka mokgwa o o nepagetseng.
Fa e bontshiwa ka go rapama, setsholetsathoto se tshwanetse go nna kwa molemeng wa mmogedi mme banta e khubedu kwa godimodimo.
Fa e bontshitswe go bapa le kana kwa morago ga mmui, e tshwanetse go bewa mo letsogong la letsogo la moja la mmui.
Fa Folaga ya Bosethaba e bontshiwa le difolaga tse dingwe, e tshwanetse go:
Tsholediwa pele le go folosiwa la bofelo
Mo molemeng wa babogedi fa e bontshiwa mo dipaleng tse di kgabaganyang pale ya teng e tshwanetse go nna fa pele ga pale ya folaga e nngwe
Mo go matheng ka tlhamalalo mo mokolokong le di/folaga e nngwe mme ka fa mojeng wa moago fa e fofisiwa le difolaga tsa bosethaba kana mafatshe a mangwe tsotlhe saese e e tshwanang le go fofisetswa kwa bogodimong bo bo lekanang.
Pina ya Bosethaba
Modimo tlhogonolofatsa Aforika
Tsholetsa lenaka la yona
Utlwa dithapelo tsa rona
Modimo tlhogonolofatsa, rona lelapa la gagwe, Morena boloka sethaba sa rona,
O khutlise dintwa le mathata,
Boloka o boloke sethaba sa rona,
Sethaba sa Aforika Borwa - Aforika Borwa.
Go tswa botaleng ba legodimo la rona,
Go tswa botennye ba lewatle la rona,
Go ralala dithaba tsa rona tsa leruri,
Koo makgotlho a nayang dikarabo teng,
Go utlwala pitso go kopana,
Mme mo kopanong re tla ema,
A re tsheleng le go kgaratlhela tokologo,
Mo Aforika Borwa lefatshe la rona.
Nkosi Sikelel iAfrika e ne ya tlhamiwa ka 1897 ke Enoch Sontonga, morutabana wa sekolo sa borongwa wa Methodist. Mafoko a temana ya ntlha a ne a kwadilwe kwa tshimologong ka Sethosa jaaka sefela sa kereke. Ditemana tsa tlaleletso tse supa tsa Sethosa di ne tsa okediwa morago ke mmoki, Samuel Mqhayi. Karolo ya Sesotho e ne ya phasaladiwa ke Moses Mphahlele ka 1942. Nkosi Sikelel' iAfrika e ne ya tumisiwa kwa dikonsarateng tse di tshwerweng kwa Gauteng ke Khwaere ya Ohlange Zulu ya ga Moruti J L Dube. E ne ya nna sefela se se tumileng sa bodumedi se morago se neng sa tsewa jaaka pina kwa dikopanong tsa polotiki. E ne e opelwa jaaka tiragatso ya borukhutlhi ka nako ya dingwaga tsa kgethololo. Temana ya ntlha ka gale e opelwa ka Sethosa kana SeZulu e latelwe ke karolo ya Sesotho. Go fitlha go tlhalosiwa ke mmuso go ne go na le dikarolo tse dintsi tsa Nkosi Sikelel' iAfrika, e e sa ntseng e ka opelelwa mabaka a bodumedi kwa ntle ga go oketsa Die Stem. Dinaga tse dingwe tsa Aforika le tsona di ne tsa tsaya dikarolo tsa Nkosi Sikelel' iAfrika go ya dipineng tsa tsona tsa sethaba. Le gale, fa MaAferika Borwa a kgobokana go opela pina ya bona ya sethaba ba tshwanetse go opela karolo e e tletseng ya semmuso, mme yona fela.
Die "Stem van Suid Afrika" ke poko e e kwadilweng ke CJ Langenhoven ka Motsheganong 1918. Mmino o ne wa tlhamiwa ke Moruti ML de Villiers ka 1921. Lekgotlakgaso la Koporasi ya Aforika Borwa SABC le tshamekile ka bobedi God save the King le Die Stem go tswalela dikgaso tsa bona tsa letsatsi mme sethaba se ne sa di tlwaela. E ne ya opelwa phatlalatsa kwa tsholetsong semmuso ya folaga e kgologolo ya sethaba kwa Kapa ka di 31 Motsheganong 1928, fela e ne e se go fitlha ka di 2 Motsheganong 1957 fa Mmuso o dira phatlalatso gore Die Stem e amogetswe jaaka Pina ya sethaba ya semmuso ya Aforika Borwa. Mo ngwageng oo Mmuso o ne gape wa bona ditshwanelo tse di kgethegileng mme seno se ne sa gatisetswa ke Molao wa Palamente ka 1959. Ka 1952 karolo ya Seesimane ya semmuso ya Pina ya Sethaba, The Call of South Africa e ne ya amogelwa go dirisiwa semmuso.
Sekano sa Bosethaba
Seabe sa Sekano
Sekano sa bosethaba, kana sekai sa Naga, ke sekai sa pono se se kwa godimo sa Naga. Tsaya motsotso go sekaseka ditirigalo tsa botlhokwa mo botshelong ba gago - botsalo, lenyalo, loso le disetefekeiti tsa sekolo, lokwalo lwa mosepele la gago - tsotlhe di dirwa semmuso ke Sekano. Papetlana ya gago e nnye e na le sona mo go le lengwe la matlhakore a yona. Fa o tsamaile go tswa mo nageng go bona sekai se mo moagong wa embasi se go lemosa legae o le kgakala le legae. Sekano gape ke legare la karolo ya Great Seal, ka setso e sekasekiwang go nna sekai se se kwa godimo sa Naga. Maatla a a feletseng a fiwa lokwalo longwe lo longwe ka letshwao la Great Seal mo go lona, ka seno se kaya gore lo na le tshegetso ya Moporesidente wa Aforika Borwa.
Sekano se sea, se emela se se diretseng Aforika Borwa go tloga ka di 17 Lwetse 1910. Phetogo e bontsha maikaelelo a Mmuso go sedimosa phetogo ya temokerasi mo Aforika Borwa le kakanyo e ntha ya boswelanaga.
Bokao ba Sekano se sea
Sekano ke tlhatlhamano ya dielemente tse di rulagantsweng ka go lekalekana kana dibopego tse di motopo mo godimo ga e nngwe.
Moono - mo seka-sekeleng se se botala ba tlhaga ke: !ke e: /xarra//ke, o o kwadilweng ka puo ya Khoisan ya batho ba /xam, mme ka dikwalo e kaya :' batho ba mefutafuta ba a kopana'. O gwetlha sethaba go kopana mo kakanyong ya gale ya bommogo le boikgogomoso - Kopano mo Bomefutafuteng. Manaka a tlou - a kaya botlhale, maatla, tekanyetso le bosakhutleng.
Ditsebe tsa korong - mo sebopegong se se motopo se bopiwa ke manaka- di kaya monono, kgolo le tlhabololo ya bokgoni, dinonofisi tsa batho le dintlha tsa temothuo mo lefatsheng.
Thebe - sebopego sa thebe ya gauta se tshwana le moropa. E na le ditiro tse pedi (bobedi): go bontsha tlhaolo le tshireletso ya semowa.
Ditshwantsho tsa batho go tswa Botaking ba Khoisan - tse di ntshitsweng go tswa disetong tsa letlapa la Linton le le itsegeng - sekao se segolo sa Botaki ba Letlapa la Aforika Borwa, jaanong mo Musiamong wa Aforika borwa - se se bontshitsweng mo boitshwarong ba tumediso le kopano, di kaya: Kopano le Bomefutafuta. Lerumo le molamu - dikai tse di gabedi( bobedi) tsa tshireletso le bothati - di santse di emela maoto a a maatla a mokwaledi wa nonyane. Lerumo le molamu di robala fatshe, go kaya kagiso.
Porotea - sekano sa bontle ba lefatshe la rona le go thunya ga bokgoni ba rona jaaka sethaba mo go lateleng Tsosoloso ya Aforika - e kaya tlhotlheletsano ya bogotlhe ya dithata tse di golang go tswa mo lefatsheng, di thuthusiwa go tswa godimo.
Mokwaledi wa nonyane - e e farologanngwang ka phofo - ditlamorago tsa tlholego ya kgolo le lebelo. Ke nonyane e e maatla e maoto a yona - a bontshitsweng jaaka lerumo le molamu - a e direla sentle mo letsomong mmogo le mo tshireletsong. Ke moromiwa wa magodimo mme e tsamaisa boutlwelobotlhoko ba yona mo godimo ga lefatshe, mo kakanyong e ke sekai sa motlotlegi o o boitshepo. Maphuka a yona a a tsholeditsweng ke sekano sa go ntsifala ga sethaba, fa ka nako e le nngwe e re naya tshireletsego.
Letsatsi le le tlhabang - sekai sa lesedi le kganya. Le kaya tsholofetso ya tsaloboa, dikarolo tse di matlhagatlhaga tsa itebelelo, katlholo e e siameng le maatlaboikemisetso. Ke sekai sa motswedi wa botshelo, wa lesedi le bogotlhe ba bofelo ba Motho.
Sebopego se se feletseng sa Sekano se kopanya disekele tse di kwa tlase le kwa godimo mo sekaing sa bosakhutleng nako e e se nang bokhutlo. Tsela e e kopanyang losi lo lo kwa tlase la sekorolo, ka methalo ya manaka, le khutlopono fa godimo fa letsatsi le tlhabang kwa godimo, e bopa sebopego sa lee la lefatshe go tswa mo mokwaledi wa nonyane a tsogang. Seno se kaya tsaloboa ya mowa wa sethaba sa rona se segolo sa bonatla.
Bokhutlo
Dikai di ne di dirisiwa jaaka tsela e e bonolo ya go maatlafatsa ka temokerasi bogolosegolo MaAforika Borwa ba sebaka se se leele ba neng ba ntshitswe mo ditiregong tse dintsi tsa go dira ditshwetso mo nageng e. Dikai tsa mekgatlho ya polotiki di ne di dirisiwa ka ditlhopho tsa 1994 go lemoga bonolo mo dipampiring tsa baloto.
Dikai tse tharo tse dikgolo tsa bosethaba tse go mekamekanweng le tsona mo bukaneng e di emela temokerasi e ntha e le go emisetsa dikai tsotlhe tsa pele tse di lekanang. Botlhotlhwa bo bogolo bo bo tshegetsang dikai tse dintha tse ke poelano, kopano mo bontsing le kago sethaba. Ka dikai tse MoAforika Borwa mongwe le mongwe o a rotloediwa, siamisiwa, maatlafadiwa le go tlhotlhelediwa go tsaya tirego ya go tsaya sethaba se go tswa bogologolo bo bo kgaoganeng go ya bokamosong bo bo kopantsweng.
